YouVersion Logo
Search Icon

Hoshee 11

11
KHAOLO 11.
1ERILE Bayeserela ba sa le yaka lekau ka ba rata, mi ka bitsa moroake go coa Egepeto.
2 Yaka ba le ba ba bitsa, ba ea ba coa ha pele ga bona: ba le ba tlabela Bobaala, mi ba hisetsa licuanco tse ri setiloeñ ensense.
3Leha ki le ka ruta Baeferaima go tsamaea, ka ba culetsa ka mabogo a bona; leha gontse yalo ba si ka ba itse ha ki ba horisitse.
4Ka ba goga ka linti tsa mothu, le ka likhole tsa lorato: mi ki le ka na go bona yaka moñue eo o tlosañ yokoe mo thamoñ tsa bona, mi ka baea liyo ha pele ga bona.
5¶ Ga ba kitla ba boela kua Egepetoñ, mi Asiria o tla na khosi ea bona, gone ba gana go boea.
6Mi caka e tla na mo metseñ ea bona, mi e tla nyeletsa mephakalego ea bona, e e ’mmetsa ka togo mano tsa bona.
7Gone bathu ba me ba ikaelela go tenega go ’na: mi leha ba ba biletsa go Mogorimorimo, ga go ope oa bona eo o tla mo gorisañ.
8¶ Lona Baeferaima, ki tla lo nelela yañ? lona Bayeserela ki tla lo nelela yañ? Ki tla lo rihelañ yaka Adema? ki tla lo rihelañ yaka Tsiboima? pelu ea me e hetogile go ’na; maikutluelo‐botluku aotle a me a tuka mogo.
9Ga ’nkitla ki rihatsa bogale yo bo hisañ yoa me, ga ’nkitla ki tlola ki senya Baeferaima: gone ki Morimo, mi esiñ mothu: ki Moitsephi mo go lona: mi ga ’nkitla ki tla ka yayarego.
10Ba tla latela Yehova mogañ o rumañ, yaka tau: mogañ o tla rumañ, ereha gona bana ba tla akohañ ba coa mo leoatleñ.
11Ba tla akoha yaka nunyane go coa Egepeto, yaka letseba go coa mo hatsiñ ya Asiria: mi ki tla ba nnisa mo matluñ a bona, go bua Yehova.
12Baeferaima ba ’ntikanyeritse ka kako, le ba ntlu ea Yeserela ka tsieco: mi kaga Bayuda ga ba tlomame mo Morimoñ, eboñ baitsephi ba boikaño.

Currently Selected:

Hoshee 11: TSN1890

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in