YouVersion Logo
Search Icon

OBATYA 1

1
Petso e e lebanyeng Baetomo
1Pono ya ga Obatya. Morena Modimo o bua jaana ka ga Etomo a re: Re begetswe ke Morena ga twe:
Morongwi o romilwe
kwa ditšhabeng a re:
“Nanogang, a re bololeng
go tlhabana nae!”
2“Bona, ke go dirile yo monnye
mo ditšhabeng,
o a nyatsega thata.
3Boikgogomoso jwa pelo ya gago
bo go tsieditse,
wena yo o agileng mo dikgageng
tsa mafika,
yo o nnang mo mafelong
a a kwa godimo,
yo o buang mo pelong ya gago
o re: ‘Ke mang
yo o ka ntigelang fa fatshe?’
4Le fa o dira sentlhaga sa gago
kwa godimodimo jaaka ntsu;
le fa e le se se tlhomilweng
mo gare ga dinaledi,
ke tla go folosa teng,”
go bua Morena.
5“Fa magodu a tla kwa go wena,
le fa e le dinokwane bosigo
– kana o nyalediwa jang! –
ga ke re, ba tla utswa
ka fa go ba lekanyeng ka teng?
Fa bafudi ba maungo a moweine
ba tla kwa go wena, ga ke re,
ba tla tlogela maronopo?
6Kana ba fukutsa Esau jang,
ba batla mahumo a gagwe
a a fitlhilweng!
7Banna botlhe
ba ba ikopantseng nao
ba go buseditse
kwa molelwaneng;
banna ba o tsalanyeng nabo
ba go tsieditse,
ba go gatelela,
ba go beela seru fa tlase ga gago
boemong jwa go go naya
dijo tsa gago.
Mme Esau ga a lemoge sepe.
8“A ga nkitla ke fedisa matlhale
mo go Etomo
le tlhaloganyo mo dithabeng
tsa ga Esau ka letsatsi leo?”
go botsa Morena.
9“Wena motse wa Themane,
bagale ba gago
ba tla bo ba nyemile moko
gore mongwe le mongwe
a bolawe
mo dithabeng tsa ga Esau
ka polao e e setlhogo.
Mabaka a petso ya Baetomo
10“Ditlhong di tla go khurumetsa,
o nyelediwa ka go sa feleng
ka ntlha ya go gatelela
Jakobe monnao.
11E rile ka letsatsi lele,
fa o ne o eme kwa thoko;
ka letsatsi lele, fa baeng
ba ne ba tlosa batlhabani ba gagwe
e le batshwarwi;
fa ba ditšhaba di sele
ba ne ba tsena
mo dikgorong tsa gagwe,
ba tlhamela Jerusalema tengwa,
le wena wa bo o le jaaka
mongwe wa bone.
12Kana o ne o sa tshwanela
go leba letsatsi la tatlhego
ya ga monnao ka boitumelo;
o ne o sa tshwanela go itumela
ka letsatsi la nyelelo
ya bana ba Juta;
o ne o sa tshwanela go ikgantsha
ka letsatsi la pitlagano.
13O ne o sa tshwanela go tsena
mo kgorong ya morafe wa me
ka letsatsi le ba neng
ba le mo bothateng ka lone;
wena o ne o sa tshwanela go leba
botlhoko jo bo ba dirafalelang
ka kgatlhego
ka letsatsi la tlalelo ya bone;
o ne o sa tshwanela go thopa
lehumo la bone ka letsatsi
la tlalelo ya bona.
14O ne o sa tshwanela go ema,
fa ditsela di kgabaganyang teng
go bolaya ba ba falotseng
ba bone;
o ne o sa tshwanela go neela
baba bafalodi ba bone
ka letsatsi la pitlagano.
Modimo o tla atlhola ditšhaba
15“Gonne letsatsi la Morena la go
atlhola ditšhaba tsotlhe le gaufi:
O tla direlwa jaaka o dirile,
tiro ya gago e tla boela
mo tlhogong ya gago.
16Gonne ditšhaba tsotlhe
di tla nwa ka gale,
jaaka lo nwele mo thabeng
e e boitshepo ya me;
di tla nwa,
di minolosa
gore di be di nne jaaka ekete
ga di ise di ke di nne teng.
Phenyo ya Baiseraele
17“Mme mo thabeng ya Sione
go tla nna pholoso,
Sione e tla nna
felo fa go boitshepo,
mme ba ntlo ya Jakobe
ba tla rua boswa jwa bone.
18Foo ba ntlo ya Jakobe
ba tla nna molelo,
ba ntlo ya Josefa ba nne kgabo,
mme ba ntlo ya Esau
ba tla nna dirite:
Ba tla tshujwa, ba jewa ka bone,
go se ke go nne masalela
a ba ntlo ya Esau,”
gonne Morena o buile jalo.
19“Ba ntlheng ya borwa
ba tla rua dithaba tsa Esau,
ba naga e e kwa tlase
ba rua naga ya Bafelesita;
ba ba mo dithabeng ba tla rua
naga ya Eferaime le ya Samaria,
Babenyamene ba rua Gileate.
20Mme batshwarwi ba mophato
o wa Baiseraele
ba tla thopa naga ya Bakanana
go fitlha kwa Sarefathe;
batshwarwi ba Jerusalema
ba ba kwa Sefarada,
ba tla rua metse e e kwa borwa.
21Mme bapholosi ba tla tlhatlogela
mo thabeng ya Sione,
gore ba buse dithaba tsa Esau,
mme bogosi e tla nna
jwa Morena.”

Currently Selected:

OBATYA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy