YouVersion Logo
Search Icon

LEFITIKO 1

1
Ka ga setlhabelo sa phiso
1 Morena o ne a bitsa Moše, a bua nae a le mo Tenteng ya Boipontsho a re: 2“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re fa mongwe wa lona a rata go tlisetsa Morena neo ya tlhabelo, gona lo tlise neo tsa tlhabelo tsa lona tse di tswang mo diruiweng, e bong mo dikgomong gongwe mo difutshaneng. 3Fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa kgomo, a a tlise poo e e se nang bogole; a e ise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho gore a tle a natefele Morena. 4A be a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa phiso; foo se tla lejwa ke Modimo ka kgatlhego mo boemong jwa gagwe, e le se se mmatlelang boitshwarelo. 5Jaanong a tlhabe poo fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba tlise madi, ba a kgatshe mo aletareng tikologong e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. 6A be a bue setlhabelo sa phiso, a se kgaoganye dirwe. 7Mme bomorwa Arone moperesiti ba gotse molelo mo aletareng, ba rulaganye dikgong mo molelong. 8Bomorwa Arone baperesiti ba be ba rulaganye dirwe le tlhogo le lomipi mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng. 9Mme mala a yona le memomo ya yona a a di tlhatswe ka metsi, mme moperesiti a di fise tsotlhe mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng.
10“ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso e le ya difutshane, le fa e le ya dinku gongwe ya dipodi, a a tlise e tonanyana e e se nang bogole. 11A be a e tlhabe fa thoko ga aletare ntlheng ya bokone fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba kgatshe madi a yona mo aletareng tikologong. 12A be a e kgaoganye dirwe, mme moperesiti a di rulaganye mmogo le tlhogo ya yona le lomipi lwa yona mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng. 13Mme mala le memomo a a di tlhatswe ka metsi, mme a moperesiti a di tlise tsotlhe, a di fise mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng.
14“ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso sa Morena e le ya dinonyane, gona a a tlise neo ya gagwe e le ya maphoi gongwe ya maebana. 15A moperesiti a e ise kwa aletareng, a e soke tlhogo, a e fise mo aletareng, mme madi a yona a a gamolele mo lotlhakoreng lwa aletare. 16A a tlose sejelo sa yona le diphafa tsa teng, a di latlhele fa thoko ga aletare ntlheng ya botlhabatsatsi mo felong ga molora. 17Jaanong a a e robe diphuka, mme a se ka a di kgaola, mme moperesiti a e fise mo aletareng mo godimo ga dikgong tse di mo molelong, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng.

Currently Selected:

LEFITIKO 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy