YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 6

6
Jesu o jesa batho ba ba dikete tse tlhano
(Math. 14:13-21; Mar. 6:32-44; Luka 9:10-17)
1E rile morago ga tseo Jesu a tshelela kwa moseja ga letsha la Galelea, le e leng la Tiberia. 2Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse a di dirileng mo balwetseng. 3Jaanong Jesu a tlhatlogela mo thabeng, a nna teng le barutwa ba gagwe. 4Mme Tlolaganyo, moletlo wa Bajuta, ya bo e le gaufi. 5Ya re Jesu a tsholetsa matlho, mme a bona bontsi jo bogolo bo tla go ene, a raya Filipo a re: “Re tla reka dinkgwe kae, gore bao ba je?” 6Mme a bo a bua jalo, e le go mo leka fela; gonne ene ka esi o ne a itse se a tla se dirang.
7Filipo a mo araba a re: “Dinkgwe tsa diranta di le 40 ga di ka ke tsa ba lekana, gore mongwe le mongwe a amogele go le gonnye.”
8Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, a mo raya a re: 9“Mosimane ke yo, o na le dinkgwe tse tlhano tsa garase le ditlhatswana tse pedi; mme tse e ka nna eng mo bontsing jo bo kana?”
10Ke fa Jesu a re: “Nnisang batho fa fatshe!” Gona foo go ne go le bojang jo bontsi. Jaanong banna ba nna fa fatshe, palo ya bone e ka ne e le dikete tse tlhano. 11Jesu a ba a tsaya dinkgwe, a leboga, a di abela barutwa, mme barutwa ba di abela ba ba ntseng fa fatshe; le tsona ditlhatswana fela jalo, ka fa ba ratang ka teng. 12Ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang masadisa gore go se latlhege sepe.” 13Ba a sela, ba tlatsa ditlatlana di le 12 ka masadisa a dinkgwe tse tlhano tsa garase a a setseng mo go ba ba jeleng.
14Jaanong ya re batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yo go tilweng o tla tla mo lefatsheng.” 15Ya re ka Jesu a lemoga gore ba tla tla go mo tsaya ka thata go mo dira kgosi, a ngwega, a boela gape kwa thabeng a le esi.
Morena o tsamaya mo godimo ga letsha
(Math. 14:22-33; Mar. 6:45-52)
16E rile go tshwara letlatlana, barutwa ba gagwe ba fologela kwa letsheng, 17ba ya ba palama mokoro, ba tshela letsha go ya kwa Kaperenaume. Mme ga nna lefifi, Jesu a ise a be a tle go bone. 18Jaanong letsha la huduiwa ke go foka ga phefo e kgolo. 19Ya re ba tsweletse pele e ka nna dimaele tse tharo gongwe tse nne, ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga letsha, a atamela mokoro; mme ba boifa. 20Foo a ba raya a re: “Ke nna, se boifeng!” 21Ke fa ba rata gore a palame mokoro, mme mokoro wa akofa wa fitlha kwa lefatsheng le ba yang go lone.
Batho ba batla Jesu kwa Kaperenaume
22Ka moso batho ba ba emeng kwa moseja ga letsha ba lemoga gore go ne go se na mokoro ope o sele, fa e se o le mongwe fela o barutwa ba ga Jesu ba neng ba o palama, le gore Jesu ga a ka a o palama le barutwa ba gagwe, mme barutwa ba gagwe ba tsamaile ba le bosi fela. 23Mekoro e mengwe e e tswang Tiberia ya atamela felong fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga. 24Ya re jaanong batho ba bona fa Jesu a se teng le e seng barutwa ba gagwe, le bone ba palama mekoro, ba ya kwa Kaperenaume, go batla Jesu.
Jesu ke senkgwe sa bophelo
25Ya re ba mo fitlhela kwa moseja ga letsha, ba mmotsa ba re: “Moruti, o tlile leng kwano?”
26Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga lo mpatle ka gonne lo bonye ditshupo, mme ke ka gonne lo jele dinkgwe, lwa kgora. 27Se tlhoafaleleng sejo se se nyelelang, mme lo tlhoafalele sejo se se nnelang go ya go fitlha bophelong jo bo sa khutleng, se Morwa-Motho o tla se lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mo kanneng.”
28Ba mo raya ba re: “Re ka itheng gore re tlhoafalele ditiro tsa Modimo?”
29Jesu a ba araba a re: “Tiro ya Modimo ke gore lo dumele mo go ene yo o romilweng ke ona.”
30Ba mo raya ba re: “Kana o dira sesupo sefe gore re bone, re go dumele? O itshupa ka tiro efe? 31Borraetsho ba jele Mmana kwa sekakeng, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘O ba file senkgwe se se tswang kwa legodimong go se ja.’ ”
32Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga se Moše yo o lo fileng senkgwe se se tswang kwa legodimong, ke Rre yo o lo fang senkgwe sa nnete se se tswang kwa legodimong. 33Gonne senkgwe sa Modimo ke sona se se fologang kwa legodimong, se se nayang lefatshe bophelo.”
34Ba mo raya ba re: “Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe.”
35Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa bophelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa. 36Mme ke lo boleletse ka re: Go mpona lo mponye, mme ga lo dumele. 37Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle. 38Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng. 39Mme thato ya yo o nthomileng ke go re, botlhe ba o ba nneileng ke se ka ka latlhegelwa ke ope wa bone, mme bogolo ke be ke ba tsose ka letsatsi la bofelo. 40Gonne thato ya ga Rre ke go re, mongwe le mongwe yo o lebang Morwa, a ba a dumela mo go ene, a nne le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tle ke mo tsose ka letsatsi la bofelo.”
41Jaanong Bajuta ba mo ngongoregela, ka a rile: “Ke nna senkgwe se se fologileng kwa legodimong,” 42ba re: “Yo a ga se Jesu, morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang jaanong fa a re: ‘Ke fologile kwa legodimong’?”
43Jesu a ba fetola a re: “Se tlhotlheletsaneng go ngongorega. 44Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna fa e se yo o gogwang ke Rara yo o nthomileng; mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo. 45Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: ‘Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna. 46Ga se go re motho mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong; ke ene yo o bonyeng Rara. 47Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna o na le bophelo jo bo sa khutleng. 48Ke nna senkgwe sa bophelo. 49Borraeno ba ne ba ja Mmana kwa sekakeng, mme ba sule. 50Se ke sona senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. 51Ke nna senkgwe se se phelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe se, o tla phela ka bosenabokhutlo; mme senkgwe se ke tla se abang ke nama ya me e ke tla e neelang losong gore lefatshe le tle le phele.”
52Ya baa gona Bajuta ba ganetsanyang ba re: “Yo a ka re naya nama ya gagwe jang go e ja?”
53Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa je nama ya Morwa-Motho, lwa ba lwa nwa madi a gagwe, ga lo na bophelo mo teng ga lona. 54Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo; 55gonne nama ya me ke sejo tota, le madi a me ke seno tota. 56Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna ke ntse mo go ene. 57Yo o njang o tla phela ka ntlha ya me, jaaka Rara yo o phelang a nthomile, mme le nna ke phela ka ntlha ya ga Rara. 58Se ke sona senkgwe se se fologileng kwa legodimong, e seng jaaka borraeno ba ne ba ja, mme ba swa. Yo o jang senkgwe se o tla phela ka bosakhutleng.”
59Dilo tse o di buile, fa a ruta mo senagogeng kwa Kaperenaume.
Tenego ya barutwa, maipolelo a ga Petoro
60E rile jaanong ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba utlwa, ba re: “Lefoko le, le thata; ke mang yo o ka le utlwelelang?”
61Ya re ka Jesu a itse ka bogagagwe gore barutwa ba gagwe ba ngongoregela seo, a ba raya a re: “A seo se a lo kgopisa? 62Jaanong lo tla reng fa lo bona Morwa-Motho a tlhatlogela kwa a neng a le teng pele? 63Mowa ke ona o o phedisang; nama ga e na thuso epe. Mafoko a nna ke a buileng le lona ke mowa, e bile ke bophelo. 64Mme go na le bangwe mo go lona ba ba sa dumeleng.” Jesu o ne a itse go tloga tshimologong gore ba ba sa dumeleng ke bomang, le gore yo o tla mo tshwarisang ke mang. 65A boa a re: “Ke gona ka moo ke lo reileng ka re: Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna, fa e se yo o go newang ke Rara.”
66Go tloga foo ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba boela kwa morago, ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae. 67Jaanong Jesu a raya ba ba 12 a re: “A le lona lo rata go tsamaya?”
68Simone Petoro a mo araba a re: “Morena, re tla ya go mang? Wena o na le mafoko a bophelo jo bo sa khutleng; 69mme re dumetse, re bile re itse gore ke wena Moitshepi wa Modimo.”
70Jesu a ba araba a re: “A ga ke a lo itlhaolela lo le 12? Mme mongwe wa lona ke Diabolo.” 71O ne a raya Jutase Isekariote, morwa Simone; gonne e ne e le ene yo o tla mo tshwarisang, e le mongwe wa ba ba 12.

Currently Selected:

JOHANE 6: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy