YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 18

18
Jesu o a tshwarwa
(Math. 26:46-56; Mar. 14:43-52; Luka 22:47-53)
1E rile Jesu a sena go bua dilo tseo, a tswa le barutwa ba gagwe, a tshela molatswana wa Kiterone; teng go ne go le tshimo, a tsena mo go yona le barutwa ba gagwe. 2Jutase yo o neng a mo tshwarisa le ene a itse felo foo; gonne Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba atisitse go phuthegela teng. 3Jaanong Jutase a tsaya lesomo la batlhabani le batlhanka ba baperesiti ba bagolo le ba Bafarisai, ba fitlha teng ka dirumola le dipone le dibolai. 4Ya re ka Jesu a itse tsotlhe tse di tla mo tlelang, a tswa, a ba raya a re: “Lo batla mang?”
5Ba mo araba ba re: “Re batla Jesu wa Nasaretha.”
Jesu a ba raya a re: “Ke nna.”
Le Jutase yo o mo tshwarisang a bo a eme nabo. 6E rile jaanong a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe. 7A ba botsa gape a re: “Lo batla mang?”
Ba re: “Jesu wa Nasaretha.”
8Jesu a fetola a re: “Ke lo boleletse gore ke nna. Fa e fela lo batla nna, lesang ba, ba tsamae;” 9e le gore go dirafale lefoko le a le buileng a re: “Ga ke a latlhegelwa ke ope wa bone ba ò ba nneileng.”
Petoro o tlhabanela Jesu
(Math. 26:51-54; Mar. 14:47; Luka 22:49-51)
10Jaanong Simone Petoro o ne a tshotse tšhaka, a e somola, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya le le jang; leina la motlhanka yoo e le Malego. 11Foo Jesu a raya Petoro a re: “Somela tšhaka mo kgatleng. A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?”
Jesu o fa pele ga lekgotla la Bajuta
(Math. 26:57-75; Mar. 14:53-72; Luka 22:54-71)
12Ya baa gona lesomo la batlhabani le molaodi-wa-sekete le batlhanka ba Bajuta ba tshwarang Jesu, ba mo golega, 13ba mo isa go Hanase pele; gonne e ne e le mogwagwadia Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo. 14Kaifase e ne e le ene yo o gakolotseng Bajuta a re: “Go molemo bogolo gore motho a le mongwe a swele morafe.”
15Simone Petoro le morutwa yo mongwe ba sala Jesu morago. Morutwa yoo o ne a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, a tsena le Jesu mo lapeng la moperesiti yo mogolo. 16Petoro ene a eme fa kgorong kwa ntle. Jaanong morutwa yo mongwe yo o itsiweng ke moperesiti yo mogolo, a tswa, a bua le mosadi yo o disitseng kgoro, a tsenya Petoro mo teng. 17Foo lelata le e leng modisa wa kgoro la raya Petoro la re: “A ga ke re le wena o mongwe wa barutwa ba monna yole?”
A re: “Ga ke ene.”
18Batlhanka le badiredi ba ne ba eme, ba ikomosa fa molelong wa magala o ba o gotsitseng; gonne go ne go le tsididi. Petoro a bo a eme fa go bone, a ikomosa.
19Jaanong moperesiti yo mogolo a botsa Jesu ka ga barutwa ba gagwe le ka ga thuto ya gagwe. 20Jesu a mo araba a re: “Ke buile le batho phatlalatsa, ka ruta ka gale mo senagogeng le mo Tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng, ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring. 21O mpoletsang? Botsa ba ba utlwileng se ke se buileng nabo; kana ba itse tse ke di buileng.”
22Ya re a bua jalo, motlhanka mongwe yo o emeng teng a faphola Jesu a re: “A o araba moperesiti yo mogolo jalo?”
23Jesu a mo fetola a re: “Fa ke buile ka tshokamo, supa ka ga tshokamo; mme fa ke buile ka tshiamo, o mpeletsang?”
24Jaanong Hanase a mo romela a golegilwe go Kaifase, moperesiti yo mogolo.
Petoro o latola gape
25Simone Petoro o ne a ntse a eme a ikomosa. Ke fa ba mo raya ba re: “A le wena ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?”
A latola a re: “Ga ke ene.”
26Motlhanka mongwe wa moperesiti yo mogolo, yo e neng e le wa losika la yo Petoro a mo kgaotseng tsebe, a re: “A ga ke a ka ka go bona kwa tshimong, o na nae?”
27Ke fa Petoro a latola gape, mme mokoko wa akofa wa lela.
Jesu o fa pele ga Pilato
(Math. 27:2,11-30; Mar. 15:1-19; Luka 23:1-25)
28Jaanong ba ntsha Jesu mo ntlong ya ga Kaifase, ba mo isa kwa kagong ya molaodi, e sa le phakela. Fela bone ba se ka ba tsena mo kagong ya molaodi, gore e se re gongwe ba kgotlelega, mme ba itse go ja Tlolaganyo. 29Jaanong Pilato a tswela go bone a re: “Molato o lo o bonang mo mothong yo ke ofe?”
30Ba mo araba ba re: “Fa monna yo e ka bo e se mosenyi, re ka bo re sa mo go neela.”
31Pilato a ba raya a re: “Mo tseeng, lo mo atlhole ka fa molaong wa lona.”
Bajuta ba mo raya ba re: “Ga re a letlelelwa go bolaya motho.” 32E ne e le gore lefoko la ga Jesu le dirafale, le a kaileng ka lone mokgwa wa loso lo a tla lo swang.
33Ke fa Pilato a tsena mo kagong ya molaodi, a bitsa Jesu, a mo raya a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?”
34Jesu a araba a re: “A o bua jalo ka bogagago, a kampo bangwe ba go boleletse ka ga me?”
35Pilato a araba a re: “A ke Mojuta? Morafe wa ga eno le baperesiti ba bagolo ba go nneetse; o dirileng?”
36Jesu a araba a re: “Puso ya me ga se ya lefatshe leno. Fa puso ya me e ka bo e le ya lefatshe leno, badiredi ba me ba ka bo ba tlhabana gore ke se neelwe Bajuta; mme jaanong puso ya me ga se ya mono.”
37Pilato a mo raya a re: “Mme a e fela o le kgosi?”
Jesu a araba a re: “O bolela jalo, ke kgosi. Ke tsaletswe gona, ke bile ke tletse gona mo lefatsheng gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.”
38Pilato a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?”
Jesu o atlholelwa loso
E rile a sena go bua jalo, a ba a tswela kwa Bajuteng, a ba raya a re: “Nna ga ke bone molato ope mo go ene. 39Kana lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe ka moletlo wa Tlolaganyo; jaanong a lo rata ka lo gololela kgosi ya Bajuta?”
40Ba goa botlhe gape ba re: “E seng yoo, mme a e nne Barabase!” Barabase ene e ne e le senokwane.

Currently Selected:

JOHANE 18: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy