YouVersion Logo
Search Icon

EKESODU 1

1
Baiseraele ba bogisiwa ke Baegepeto setlhogo
1Maina ke a, a bomorwa Iseraele ba ba neng ba ya kwa Egepeto mmogo le Jakobe le malapa a bone: 2Rubene le Simeone le Lefi le Juta 3le Isašare le Sebulone le Benyamene 4le Dane le Nafetale le Gate le Asere. 5Mme botlhe ba e leng ba losika lwa ga Jakobe e ne e le batho ba le 70. Mme Josefa o ne a sa bolo go ya kwa Egepeto. 6Jaanong ya re Josefa a se na go swa le bomorwa-rraagwe botlhe le losika lwa ntlha, 7bana ba bone, e bong Baiseraele ba sala ba ata, ba ntsifala, ba nna bantsi, mo ba bileng ba tlala ka lefatshe.
8Mme ga busa kgosi e ntšhwa kwa Egepeto e e sa itseng sepe ka ga Josefa. 9Yona ya raya morafe wa yona ya re: “Bonang, morafe wa Baiseraele o mogolo, o tloga o nna thata bogolo go rona. 10Tlayang, re ba logeleng maano, e se re gongwe ba atela pele, mme ya re fa ntwa e ka tla, ba goga le baba ba rona, ba tlhabana le rona, ba tlogela lefatshe le.” 11Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese. 12Mme le fa ba ba bogisa thata, bone ba ata thata, ba anama segolo, mo Baegepeto ba bileng ba boifa Baiseraele. 13Ke fa Baegepeto ba dira Baiseraele batlhanka ka thata; 14ba galakisa bophelo jwa bone ka tiro e e bokete letsopeng le diekaneng le ka tiro tsa mefutafuta kwa masimo; ditiro tsotlhe tsa bone ba di ba dirisa setlhogo.
15Gape kgosi ya Egepeto ya laela babelegisi ba basadi ba Bahebere, e bong Sifera le Phua, 16ya re: “Fa lo belegisa basadi ba Bahebere, lo lebalebe ngwana; fa e le mosimane, mmolaeng; fa e le mosetsana, a a phele!” 17Mme babelegisi ba bo ba boifa Modimo, ba se ka ba dira ka fa kgosi ya Egepeto e ba laetseng ka teng, ba leseletsa basimane go phela. 18Ke fa kgosi ya Egepeto e bitsa babelegisi, e ba botsa e re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo dirile jalo, lwa phedisa basimane?”
19Babelegisi ba fetola Farao ba re: “Kana basadi ba Bahebere ga ba tshwane le basadi ba Baegepeto, mme bone ba thata. E a tle e re mmelegisi a ise a fitlhe kwa go bone, ba bo ba setse ba belege.” 20Babelegisi bao Modimo wa ba phedisa sentle, mme morafe wa Baiseraele wa ata, wa tia thata. 21Mme ya re ka babelegisi ba boifa Modimo, ona wa ba naya malapa a a tletseng bana. 22Ke fa Farao a laela morafe otlhe wa gagwe a re: “Basimane botlhe ba Bahebere ba ba tla tsalwang lo ba latlheleng mo nokeng ya Nile, mme basetsana botlhe lo ba lese ba phele!”

Currently Selected:

EKESODU 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy