YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 2

2
Phodiso ya yo o suleng mhama
(Math. 9:1-8; Luka 5:17-26)
1Morago ga malatsi mangwe a boa a tsena mo Kaperenaume; mme ga utlwala, fa a le kwa lapeng. 2Jaanong ga phuthega batho ba bantsi, ga ba ga tlhokafala manno tota le fa mojako, mme a ba bolelela Lefoko. 3Ga ba ga tla bangwe, ba tsisa mongwe yo o suleng mhama go ene, a rwelwe ke batho ba le bane. 4Ya re ba palelwa ke go mo isetsa kwa go ene ka ntlha ya bontsi, ba rutla thulelo, fa a leng teng; ya re ba sena go phunya, ba folosa bolao jo motho yo o suleng mhama o neng a letse mo go jona. 5Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Ngwanaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”
6Mme bangwe ba Baitsedikwalo ba ne ba ntse teng, ba akanya mo dipelong tsa bone ba re: 7“Yo, o buelang jaana? O a kgala! Ke mang yo o nang le thata go itshwarela dibe, fa e se Modimo o le osi?”
8Ya re ka Jesu a lemoga ka bonako mo moweng wa gagwe gore ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Lo akanyetsang jalo mo dipelong tsa lona? 9Mo go botlhofo ke gofe? A ke go raya yo o suleng mhama o re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’; gongwe go re: ‘Tsoga o tsee bolao jwa gago, o tsamae’? 10Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe!” Jaanong a raya yo o suleng mhama a re: 11“Ke go raya ke re: Tsoga o tsee bolao jwa gago, o boele kwa gae!”
12Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe, mo botlhe ba bileng ba gakgamala, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone se se ntseng jaana.”
Go bidiwa ga Lefi
(Math. 9:9-13; Luka 5:27-32)
13A ba a tloga, a boela kwa letsheng, mme lesomo lotlhe la batho la tla kwa go ene, mme a ba ruta. 14Ya re a feta, a bona Lefi, morwa Alefeo a ntse mo ntlong ya kgethelo; a mo raya a re: “Ntshala morago!” A nanoga a mo sala morago.
15Ya re Jesu a ntse fa dijong mo ntlong ya ga Lefi, bakgethisi ba bantsi le baleofi ba nna fa dijong nae le barutwa ba gagwe; gonne e ne e le ba bantsi ba ba mo setseng morago. 16Jaanong ya re Baitsedikwalo ba setlhopha sa Bafarisai ba bona, fa a ja le baleofi le bakgethisi, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Ke go reng, fa a ja le bakgethisi le baleofi?”
17Ya re Jesu a utlwa, a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka, e batlwa ke ba ba lwalang. Ga ke a tla go bitsa basiami, ke tsile go bitsa baleofi.”
Ka ga go itima dijo
(Math. 9:14-17; Luka 5:33-39)
18Ka sebaka seo barutwa ba ga Johane le Bafarisai ba ne ba itima dijo. Jaanong ba tla, ba mo raya ba re: “Ke go reng, fa barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarisai ba itima dijo, mme barutwa ba gago bone ba sa dire jalo?”
19Jesu a ba raya a re: “A batho ba lenyalo ba ka itima dijo, monyadi a sa ntse a na nabo? Fa ba sa ntse ba na le monyadi, ga ba ka ke ba itima dijo. 20Mme malatsi a tla tla, mogang monyadi a tla bong a tlositswe mo go bone; ke gona mo malatsing ao ba tla itimang dijo.
21“Ga go ope yo o ka rokelelang sebata sa lesela le lešwa mo seaparong se se onetseng; fa go ka dirwa jalo, sebata se sešwa se tla gagola seaparo se se onetseng, mme legago le oketsege. 22Le gona ga go ope yo o ka tshelang weine e ntšhwa mo makukeng a a onetseng; fa go ka dirwa jalo, weine e tla phantsha makuka, mme weine e senyege mmogo le makuka; mme weine e ntšhwa e tshelwa mo makukeng a mašwa.”
Jesu ke Morena wa Sabata
(Math. 12:1-8; Luka 6:1-5)
23E rile Jesu a ralala masimo ka Sabata, barutwa ba gagwe ba simolola go roba diako, ba ntse ba tsamaya. 24Bafarisai ba mmotsa ba re: “Bona, ba direlang se se sa letlelelwang ka Sabata?”
25Ene a ba araba a re: “A ga lo ise lo ke lo buise se Dafita o kileng a se dira, fa a tlhoka, mme a tshwerwe ke tlala, le ba ba neng ba na nae? 26Jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo, Abjathare e le moperesiti yo mogolo, a ba a ja dinkgwe tsa tshupo tse di sa letlelelwang go jewa ke ope, fa e se baperesiti fela, a ba a fa le bone ba ba neng ba na nae?”
27A ba a ba raya a re: “Sabata o dirilwe ka ntlha ya motho, e seng motho ka ntlha ya Sabata.” 28Ka moo he, Morwa-Motho ke Morena le wa Sabata.

Currently Selected:

MAREKO 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy