E rile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa Simone Petoro a re: “Simone, morwa Jona, a o nthata bogolo go ba?” A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me!” A boa a mmotsa lwa bobedi a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Disa dinku tsa me!” A mmotsa lwa boraro a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: “A o a nthata?” A ba a mo araba a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me!
Read JOHANE 21
Share
Compare All Versions: JOHANE 21:15-17
Save verses, read offline, watch teaching clips, and more!
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos