YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 17

17
Thapelo ya Moperesiti yo mogolo, e bong Jesu. Ya go ithapelela
1Dilo tseo Jesu o ne a di bua. Jaanong a tsholeletsa matlho kwa legodimong a re: “Rara, nako e tsile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse, 2jaaka o mo neile thata mo nameng yotlhe gore mongwe le mongwe yo ò mo mo neileng a mo nee bophelo jo bo sa khutleng. 3Mme botshelo jo bo sa khutleng ke fa ba go itse o le Modimo wa boammaaruri o le wesi, le Jesu Keresete yo ò mo romileng. 4Ke go galaleditse mo lefatsheng ka go fetsa tiro e o e nneetseng go e dira. 5Jaanong, wena Rara, nkgalaletse mo go wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na le yona fa go wena, lefatshe le ise le nne teng.
Go rapelela barutwa
6“Leina la gago ke le senoletse batho ba o ba nneileng, ba tswa mo lefatsheng; e ne e le ba gago, o ba nneile, e bile ba tlhokometse lefoko la gago. 7Jaanong ba itse gore tsotlhe tse o di nneileng di tswa go wena. 8Gonne ke ba neile mafoko a o a nneileng, mme ba a amogetse, ba bile ba itse ruri gore ke tswa go wena, ba dumetse gore o nthomile.
9“Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, mme ke rapelela ba o ba nneileng; gonne ke ba gago. 10Tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, mme tse e leng tsa gago ke tsa me, mme ke galaleditswe ka bone. 11Nna ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng. Nna ke tla koo go wena. Rara yo o Boitshepo, ba femele, ba nne mo leineng la gago le o le nneileng, gore ba nne bongwefela jaaka rona. 12E rile ke sa ntse ke na nabo mo lefatsheng, ka ba femela ka leina la gago; ba o ba nneileng ka ba disa. Ga go ope wa bone yo o latlhegileng, fa e se morwa-tatlhego, gore Lokwalo lo dirafale. 13Jaanong ke tla koo go wena, mme ke bua dilo tse mo lefatsheng gore ba nne le boitumelo jwa me, bo tlale mo go bone. 14Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile; gonne ga se ba lefatshe, jaaka le nna ke se wa lefatshe. 15Ga ke kope gore o ba tlose mo lefatsheng, mme e le gore o ba femele mo go yo-o-bosula. 16Bone ga se ba lefatshe, jaaka nna ke se wa lefatshe. 17Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke lone boammaaruri. 18Ke ba romile mo lefatsheng, fela jaaka o nthomile mo lefatsheng. 19Ke iitshepisa ka ntlha ya bone gore le bone e nne ba ba itshepisitsweng ka boammaaruri.
Go rapelela badumedi
20“Ga ke rapelele bone fela, mme ke rapelela le ba ba tla dumelang mo go nna ka lefoko la bone, 21gore ba nne bongwefela botlhe jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna ke le mo go wena; a le bone ba nne bongwefela mo go rona, mo lefatshe le ka dumelang, fa o nthomile. 22Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng gore ba nne bongwefela jaaka rona re le bongwefela; 23nna ke le mo go bone, le wena o le mo go nna, gore ba nne bongwefela ka botlalo, mo lefatshe le ka itseng, fa o nthomile; o bile o ba ratile jaaka o nthatile.
24“Rara, ke rata gore ba o ba nneileng le bone ba nne le nna kwa ke leng teng, gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka o nthatile lefatshe le ise le thaiwe. 25Rara wa tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le bone ba, ba lemogile, fa o nthomile. 26Leina la gago ke le ba itsisitse, mme ke tla fela ke le ba itsise gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”

Currently Selected:

JOHANE 17: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy