JESAYA 56:6-7
JESAYA 56:6-7 TSW70
“Mme baeng ba ba ineetseng mo MORENENG gore ba mo direle, ba rate leina la MORENA, ba nne batlhanka ba gagwe; – botlhe ba ba tshegetsang letsatsi la Sabata gore ba se ka ba le itshepolola; ba ba itshwarelelang ka kgolagano ya me – bone ke tla ba tlisa kwa thabeng e e boitshepo ya me, ke ba itumedisa mo Ntlong ya me ya thapelo. Ditlhabelo tsa bone tsa phiso le ditlhabelo tse dingwe tsa bone di tla nkgatlha mo aletareng ya me. Gonne Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya merafe yotlhe.”





