YouVersion Logo
Search Icon

GENESI 50

50
1Ke fa Josefa a wela mo sefatlhegong sa ga rraagwe, a mo lelela, a mo atla. 2Josefa a ba a laola batlhanka ba gagwe ba e leng dingaka go omeletsa setoto sa ga rraagwe ka ditlhare. Dingaka tsa dira jalo, 3tsa fetsa morago ga malatsi a le 40; gonne go omeletsa setoto go tsaya malatsi a a kana. Baegepeto le bone ba mo lelela malatsi a le 70.
4Jaanong ya re malatsi a go mo lelela a sena go feta, Josefa a bua le ba lapa la ga Farao a re: “Fa ke bonye bopelotlhomogi mo go lona a nke lo bue mo ditsebeng tsa ga Farao lo re: 5Rre o inkanisitse a re: ‘Bona, ke a swa, o mphitlhe gona kwa lefatsheng la Kanana mo lebitleng le ke le ikepetseng.’ Jaanong a nke ke ye, ke fitlhe rre. Ke tla be ke boa.”
6Farao a re: “Yaa o fitlhe rraago ka fa a go ikanisitseng ka teng.”
7Josefa a ya jalo go fitlha rraagwe; batlhanka botlhe ba ga Farao ba ya nae le ba bagolo ba lapa la gagwe le ba bagolo botlhe ba lefatshe la Egepeto. 8Le botlhe ba lelapa la ga Josefa le bomorwa-rraagwe le ba lapa la ga rraagwe ba ya nae. Ba tlogela bana ba bannye ba bone le matsomane a bone le metlhape ya bone mo lefatsheng la Gosene. 9Gape ga ya nae dikoloi le bapalami ba dipitse; ya nna lesomo le legolo thata.
10Ya re ba sena go fitlha kwa seboaneng sa mitlwa se se kwa moseja ga Joretane, ba lelela moswi teng ka selelo se segolo, se se botlhoko thata. Josefa a direla rraagwe khutsafalelo ya malatsi a supa. 11Jaanong e rile Bakanana baagi ba lefatshe leo ba bona phitlho mo seboaneng sa mitlwa, ba re: “Selo se ke phitlho e e botlhoko ya Baegepeto.” Ke ka moo ba se teileng leina la Selelo-sa-Baegepeto se se leng kwa moseja ga Joretane.
12Mme bomorwawe ba mo direla ka fa a ba laetseng ka teng . 13Bomorwawe ba mo isa kwa lefatsheng la Kanana, ba mo fitlha mo logageng lwa tshimo ya Makapela, yona tshimo e Aborahame o neng a e rekile mo go Eferone wa Mohethe go nna mabitla a losika lwa gagwe ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere. 14Ya re Josefa a sena go fitlha rraagwe, a boela kwa Egepeto, ene le bomorwa-rraagwe le botlhe ba ba ileng nae go fitlha rraagwe.
Josefa a gomotsa bomogolowe
15Jaanong e rile bomorwa-rraagwe Josefa ba bona, fa rraabo a sule, ba re: “Fa Josefa a ka re tlhoa, a re busetsa tota tse di bosula tsotlhe tse re di mo diretseng, re tla reng?” 16Ke ka moo ba rometseng lefoko kwa go Josefa le le reng: “Rraago o laetse a ise a swe a re: 17‘Rayang Josefa jaana lo re: Ka thapelo a ko o itshwarele boleo jwa bomorwa-rraago le sebe sa bone; gonne ba go diretse bosula.’ Mme jaanong a ko o itshwarele boleo jwa batlhanka ba Modimo wa ga rraago!” Mme Josefa a lela, fa ba bua jalo nae.
18Le gona bomorwa-rraagwe ba ya ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba re: “Bona, re fano, re batlhanka ba gago.”
19Mme Josefa a ba fetola a re: “Se boifeng! A ke mo boemong jwa Modimo? 20Ke nnete, lona lo ne lo ikaeletse go ntirela bosula, mme Modimo o bo fetotse molemo gore o tle o dire jaaka go bonwa kajeno, o phedise batho ba bantsi. 21Jaanong ge, se boifeng! Ke tla lo babalela le bana ba lona.” A ba gomotsa jalo, a bua tse di itumedisang dipelo tsa bone.
Loso lwa ga Josefa
22Josefa o ne a nna jalo kwa Egepeto, ene le ba lapa la ga rraagwe. Josefa a phela dinyaga di le lekgolo le lesome. 23Josefa a bona bana ba bana ba ga Eferaime. Le bana ba ga Magire, morwa Manase, ba tsalelwa Josefa. 24Josefa a laela bomorwa-rraagwe a re: “Ke a swa; mme Modimo o tla lo babalela, o lo ntsha mo lefatsheng le, o lo isa kwa lefatsheng le o le solofeditseng Aborahame le Isaka le Jakobe.” 25Le gona Josefa a ikanisa bomorwa Iseraele a re: “E re Modimo o lo golola, lo ntshe marapo a me mono.” 26Josefa a swa a le dinyaga di le 110. Ba mo omeletsa ka ditlhare, ba mo tsenya mo letloleng kwa Egepeto.

Currently Selected:

GENESI 50: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy