EKESODU 15:23-25
EKESODU 15:23-25 TSW70
Ya re ba fitlha kwa Mara, ba palelwa ke go nwa metsi a teng; gonne a ne a galaka. Ke ka moo leina la felo foo go tweng Mara. Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?” Jaanong ya re ene a goela kwa MORENENG, MORENA a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka





