ESETERE 9:20-22
ESETERE 9:20-22 TSW70
Mme Moretogai a kwala ditirafalo tseo, a ba a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba mafatshe otlhe a kgosi Ahasewerose, ba ba gaufi le ba ba kgakala, a ba tlhomamisetsa gore ba nne ba dire moletlo wa letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare le letsatsi la 15 la yona ka ngwaga mongwe le mongwe; e le ona malatsi a Bajuta ba bonyeng boikhutso ka ona mo babeng ba bone, e le yona kgwedi fa bohutsana bo ba fetogela boitumelo le khutsafalo e ba fetogela letsatsi le le monate gore malatsi ao ba a dire malatsi a moletlo le a boitumelo, ba abelane dikabelo ka ona le go naya bahumanegi dineo.





