YouVersion Logo
Search Icon

2 DITIRAFALO 1

1
Salomo a kopa botlhale, a ba a bo fiwa
(1 Dikg. 3:1-15)
1Salomo morwa Dafita a itiisa bogosing jwa gagwe, mme Morena, Modimo wa gagwe, a nna nae, a mo dira yo mogolo mo go feteletseng.
2Letsatsi le lengwe Salomo a bua le Baiseraele botlhe le balaodi ba dikete le ba makgolo le baatlhodi le baetapele botlhe ba Iseraele, e bong ditlhogo tsa dikgoro, 3a ba a ya kwa thoteng ya tlhabelo ya Gibeone, a na le phuthego yotlhe; gonne teng go ne go le Tempelana ya Boipontsho ya Modimo, e Moše motlhanka wa Morena o neng a e dirile kwa sekakeng. 4Le gale Letlole la Modimo lone Dafita o ne a le tsere kwa Khiriathe-Jearime, a le isa felong fa a go le baakanyeditseng kwa Jerusalema; ka gonne o ne a le tlhometse tente teng. 5Mme aletare ya kgotlho e e neng e dirilwe ke Besalele morwa Uri morwa Hure yona e ne e le teng fa pele ga Tempelana ya Morena, mme Salomo le phuthego ba mo obamela teng. 6Salomo a dira ditlhabelo teng mo aletareng ya kgotlho fa pele ga Morena e e leng ya Tempelana ya Boipontsho, a dira ditlhabelo tsa phiso di le 1 000 mo go yona.
7Bosigo joo Modimo wa ipontsha mo go Salomo, wa mo raya wa re: “Kopa se o ratang ke se go naya.”
8Salomo a raya Modimo a re: “O diretse Dafita rre ka bopelotlhomogi jo bogolo; o bile o ntirile kgosi mo boemong jwa gagwe. 9Jaanong Morena Modimo, dirafatsa se o se solofeditseng Dafita rre; gonne o ntirile kgosi ya morafe o mogolo o o kana ka lerole la lefatshe. 10Ka moo he, mphe botlhale le tlhaloganyo gore ke itse go dira ka tshwanelo fa pele ga morafe o; go seng jalo go ka kgona mang go busa morafe o mogolo o wa gago?”
11Mme Modimo wa raya Salomo wa re: “E re ka selo se, se le mo pelong ya gago, mme o sa kope khumo le matlotlo le tlotlo le e seng loso lwa ba ba go tlhoileng, le gona o sa kope botshelo jo boleele, mme o ikopela botlhale le tlhaloganyo gore o tle o itse go busa morafe wa me o ke go dirileng kgosi ya ona, 12ka moo o newa botlhale le tlhaloganyo. Le gona ke tla go naya khumo le matlotlo le tlotlo tse di neng di sa tsholwa ke dikgosi tse di neng di le pele ga gago; le gona ga di kitla di bonwa ke ope sehularong sa gago.”
13Mme Salomo a tloga kwa thoteng ya tlhabelo e e kwa Gibeone, kwa Tempelaneng ya Boitshepo, a boela kwa Jerusalema, a busa Iseraele teng.
Maatla a kgosi Salomo le khumo ya gagwe
(1 Dikg. 10:26-29)
14Salomo a ikgobokanyetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse; o ne a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 400 le bapalami ba dipitse ba le 12 000; a ba baya kwa metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing. 15Kgosi ya dira gore go nne selefera le gouta mo Jerusalema tse di kana ka mafika; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane ka bontsi le megokare e e kwa nageng e e kwa tlase. 16Dipitse tsa ga Salomo di ne di tswa kwa Egepeto le kwa Kgoa; barekedi ba kgosi ba di reka kwa Kgoa ka madi. 17Ba reka koloi kwa Egepeto ka diselefera di le 600, le pitse ka di le 150; ba di mo rekela jalo go ya go di rekisa le mo dikgosing tsotlhe tsa Bahethe le mo dikgosing tsa Siria.

Currently Selected:

2 DITIRAFALO 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy