YouVersion Logo
Search Icon

2 BATHESALONIKA 3

3
Ditaelo le ditumediso
1Bakaulengwe, re sa ntse re re: Re rapeleleng gore Lefoko la Morena le ate ka bonako, le be le galalediwe fela jaaka mo go lona; 2le gore re gololwe mo bathong ba ba sokameng ba ba bosula; gonne go dumela ga se ga botlhe.
3Mme Morena o boikanyo yo o tla lo tiisang, a ba a lo femela mo go yo-o-bosula. 4Mme re lo ikanya mo Moreneng gore se re se lo laelang, lo a se dira, le gona lo tla nna lo se dira.
5A Morena a gogele dipelo tsa lona loratong lwa Modimo le boitshokong jwa ga Keresete.
6Ba ga etsho, re lo laela ka leina la Morena Jesu Keresete gore lo ikgaoganye le mokaulengwe mongwe le mongwe yo o tsamayang ka bofafalele, e seng ka fa thutong e lo e amogetseng mo go rona. 7Lo itse ka losi ka fa lo tshwanetseng go re etsa ka teng; gonne ga re a ka ra tsamaya ka bofafalele mo go lona. 8Le gona, ga re a ka ra batla go ja dijo mo go ope tse re di fiwang fela, mme re ne ra dira bosigo le motshegare ka matsapa le tapisego gore re se imele ope wa lona. 9Ga se go re, ga re na tshiamelo ya go dira jalo, mme ke go re, re ipee sekao mo go lona gore lo re etse. 10Kana le jale fa re na le lona, re lo laetse jaana ra re: “Fa mongwe a gana go dira, le gona a se ka a ja.”
11Gonne re utlwa go twe, bangwe ba tsamaya ka botlhaswa mo go lona, ba sa dire sepe, fa e se tse di se nang mosola fela. 12Ba ba ntseng jalo re ba laela, e bile re ba laya ka Morena Jesu Keresete gore ba dire ka tidimalo, ba je dijo tse e leng tsa bone.
13Mme lona, bakaulengwe, se lapeng go dira tse di molemo. 14Mme fa mongwe a sa utlwe lefoko la rona ka lokwalo loo, lo mmee leitlho, mme lo se ka lwa kopana nae, gore a tle a tlhajwe ke ditlhong; 15le gale lo se ka lwa mo kaya mmaba, mme lo mo kgalemele jaaka mokaulengwe.
16A Morena wa kagiso ka esi a lo nee kagiso ka metlha yotlhe le ka mekgwa yotlhe. A Morena a nne le lona lotlhe!
17Tumediso ya me ke eo, ke le Paulo, ke e kwala ka letsogo la me. Ke yona sesupo sa me mo lokwalong longwe le longwe lo lo tswang go nna; ke kwala jalo.
18A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona lotlhe!

Currently Selected:

2 BATHESALONIKA 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy