YouVersion Logo
Search Icon

2 DITIRAFALO 2

2
Kutlwano ya ga Salomo le Hurame ka ga kago ya Tempele
(1 Dikg. 5:1-18)
1Jaanong Salomo a ikaelela go agela leina la Morena Ntlo le go ikagela ntlo ya bogosi. 2Salomo a ntsha banna ba le 70 000 ba ba tla rwalang merwalo le banna ba le 80 000 ba ba tla betlang mafika kwa dithabeng le baokamedi ba bone ba le 3 600.
3Salomo a ba a roma kwa go Hurame, kgosi ya Tiro a re: “A ko o ntirele jaaka o kile wa direla Dafita rre, wa mo romela mesetere go ka ikagela ntlo e a nnang mo go yona. 4Itse gore ke batla go agela leina la Morena, Modimo wa me, Ntlo le go e mo itshepisetsa go tshuba maswalo fa pele ga gagwe, e bong maswalo a makga a a monate le go baya teng dinkgwe tsa tshupo ka gale le go dira ditlhabelo tsa phiso mo mosong le maitsiboa ka boSabata le ka ngwedi o o rogilweng le ka meletlo ya Morena, Modimo wa rona. Go dira jalo ke tshwanelo e e se neng e khutla ya Baiseraele. 5Mme Ntlo e ke ratang go e aga e tshwanetse go nna e kgolo; gonne Modimo wa rona o mogolo go feta medimo yotlhe. 6Kana ke mang yo o ka nonofang go o agela Ntlo, etswe loapi le magodimo otlhe di sa o lekane? Nna ke mang mo nka o agelang Ntlo? Kana ke felo ga go tshuba maswalo fela fa pele ga ona. 7Jaanong he, nthomele monna wa setswerere yo o ka dirang dilo tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho le tsa tshipi le tsa masela a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a mabududu; yo o itseng go seta ditshwantsho mmogo le ditswerere tse ke nang natso mo Juta le Jerusalema tse di beilweng ke Dafita rre. 8O bo o nthomele dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese le tsa merukuru tsa kwa Lebanone; gonne ke a itse gore batlhanka ba gago ba itse go rema ditlhare tsa Lebanone. Mme batlhanka ba me ba tla thusanya le ba gago 9gore ke etleelediwe dikgong tse dintsi; gonne Ntlo e ke batlang go e aga e tla nna e kgolo e e gakgamatsang. 10Bona, batlhanka ba gago, e bong baremi ba ba remang ditlhare, ke tla ba naya dijo tsa dikgetse di le 20 000 tsa korong le dikgetse di le 20 000 tsa garase le dielo di le 20 000 tsa weine le dielo di le 20 000 tsa lookwane.”
11Hurame kgosi ya Tiro a araba ka lokwalo, a lo romela Salomo a re: “E re ka Morena a rata morafe wa gagwe, o go dirile kgosi ya one.” 12Hurame a ba a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, yo o dirileng legodimo le lefatshe, yo o neileng kgosi Dafita morwa yo o botlhale yo o nang le tlhaloganyo le temogo, yo o batlang go agela Morena Ntlo le go ikagela ntlo ya bogosi. 13Jaanong he, ke go romela monna wa maatlametlo yo o nang le temogo, e bong Hurame-Abi. 14Ke morwa mosadi wa bomorwadia Dane, mme rraagwe ke monna wa mono Tiro; o itse go dira dilo tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho le tsa tshipi le tsa mafika le tsa dikgong le tsa masela a mahibidu a bofifadu le a mabududu le a masweu le a mahibidu a madi le go seta meseto ya mefutafuta le go akanya tiro nngwe le nngwe ka botswerere e a e neelwang mmogo le ditswerere tsa gago le tsa ga Dafita rraago, mong wa me. 15Mme jaanong fa e le korong le garase le lookwane le weine tse mong wa me a di umakileng, a a di romele batlhanka ba gagwe. 16Rona re tla rema ditlhare kwa Lebanone fela jaaka o di batla, re di go isetsa kwa Jafo mo lewatleng di patagantswe; wena o di tsee teng, o di ise kwa Jerusalema.”
Tempele e a agiwa
(1 Dikg. 6:1-38)
17Salomo a ba a bala banna botlhe ba baeng ba ba neng ba le mo lefatsheng la Iseraele morago ga go bala mo Dafita rraagwe o neng a go badile; ga fitlhelwa ba le 153 600. 18Ba le 70 000 ba bone a ba dira barwadi ba merwalo, ba le 80 000 a ba dira babetli ba mafika kwa dithabeng, ba le 3 600 a ba dira baokamedi ba ba dirisang batho.

Currently Selected:

2 DITIRAFALO 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy