YouVersion Logo
Search Icon

1 TIMOTHEO 2

2
Thapelo ya go rapelela batho botlhe
1Jaanong ke kaela pele ga tsotlhe gore dikopo le dithapelo le dithapelelo le ditebogo di direlwe batho botlhe, 2le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego. 3Go dira jalo go molemo, go bile go natefela Modimo, Morepholosi, 4o o ratang gore batho botlhe ba pholosiwe le go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. 5Gonne go Modimo o le mongwe fela le motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, e bong Keresete Jesu, a le motho, 6yo o ineetseng go nna tefo ya kgololo ya botlhe; ke yona tshupo e e tla rerwang ka metlha e e leng yona, 7e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake.
8Ke ka moo ke ratang gore banna ba rapele mo mafelong otlhe, ba tsholeditse mabogo a a boitshepo kwa ntle ga bogale le pelaelo.
Ditshwanelo tsa mosadi
9Le gona jalo ke rata gore basadi ba kgabe ka diaparo tse di tshwanetseng ka tshisimogo le ka tekano, e seng ka meriri e e logilweng le ka gouta, gongwe ka ditalama le diaparo tsa tlhotlhwa e kgolo, 10mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo. 11A mosadi a ithute mo tidimalong ka boikokobetso jotlhe. 12Ga ke letlelele mosadi go ruta, le fa e le go laola monna, mme a a nne mo tidimalong. 13Gonne Atame o bopilwe pele, Efa a bopiwa morago. 14Le gona Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi ene a tsiediwa, a wela mo molatong. 15Mme o tla pholosiwa ka go belega bana, fa basadi ba ka nna ba ntse ba le mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong jo bo nang le tekano.

Currently Selected:

1 TIMOTHEO 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy