YouVersion Logo
Search Icon

1 DITIRAFALO 29

29
Dineo tsa go aga Tempele. Salomo o tsena bogosing
1Kgosi Dafita a ba a raya phuthego yotlhe a re: “Salomo, morwaake yo Modimo o mo tlhaotseng a le esi, o sa le mošwa, o bile o monana, mme tiro e kgolo; gonne ntlo ya borena e ga se ya motho, ke ya Morena Modimo. 2Ka fa ke neng ke nonofile ka teng ka kgobokanyetsa Ntlo ya Modimo wa me gouta ya tse e tla nnang tsa gouta le selefera ya tsa selefera le kgotlho ya tsa kgotlho le tshipi ya tsa tshipi le dikgong tsa dilo tsa dikgong le majwana a a tlhokegang a šohama le a a tla tlhongwang le majwana a a tlhokegang a mantsho le a a mebalabala le majwana a a tlhokegang a mefutafuta le magakwa a magolo ka bontsi. 3Mme e re ka ke itumelela Ntlo ya Modimo wa me, ke bile ke ntshetsa Ntlo ya Modimo wa me gouta le selefera tse dingwe tse e leng tsa me kwa ntle ga tsotlhe tse ke setseng ke di kgobokanyeditse Ntlo e e Boitshepo: 4E bong ditalente di le 3 000 tsa gouta, e le gouta ya kwa Ofire, le ditalente di le 7 000 tsa selefera e e itshekisitsweng go di manega mo dipoteng tsa Tempele. 5Gouta e, e nne ya dilo tsa gouta, mme selefera e, e nne ya tsa selefera le ya tiro ya mefutafuta e e dirwang ka diatla ke ditswerere. Jaanong ke mang yo o tla ntshetsang Morena neo kajeno ka boitumelo?”
6Ga itshupa ditlhogo tsa dikgoro le dikgosana tsa ditso tsa Iseraele le balaodi ba dikete le ba makgolo le baokamedi ba tiro ya kgosi gore ba rata go ntsha dineo. 7Ba ntshetsa kago ya Ntlo ya Modimo ditalente di le 5 000 tsa gouta le madi a gouta a diranta di le 20 000 le ditalente di le 10 000 tsa selefera le ditalente di le 18 000 tsa kgotlho le ditalente di le 100 000 tsa tshipi. 8Mme yo o neng a tshotse majwana a a tlhokegang a a tsenya mo khumong ya Ntlo ya Morena e e neng e okametswe ke Jehiele wa losika lwa ga Geresone. 9Mme batho ba itumelela bopelotshweu jwa bao, ka ba ne ba ntshetsa Morena ka pelo yotlhe e e thabileng; kgosi Dafita le ene a itumela ka boitumelo jo bogolo.
Thapelo ya ga Dafita le loso lwa gagwe
10Dafita a ba a boka Morena mo matlhong a phuthego yotlhe a re: “A go bokwe wena Morena, Modimo wa ga Iseraele rraetsho, go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. 11Morena, bogolo ke jwa gago le thata le kgalalelo le tumiso le borena; kana tsotlhe tse di kwa legodimong le mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Morena; ke wena o itsholeditseng godimo ga tsotlhe, o le tlhogo. 12Khumo le tlotlo di tswa mo go wena; wena o mmusi wa tsotlhe; thata le nonofo di mo seatleng sa gago; go godisa le go tiisa mongwe le mongwe go mo seatleng sa gago. 13Ka moo he, Modimo wa rona, re a go leboga, re boka leina le le galalelang la gago.
14“Kana nna ke mang, morafe wa me ke bomang mo re ka bong re nonofa go ntsha dineo tse di kana ka boitumelo? Kana tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neetse fela tse di tswang mo seatleng sa gago. 15Kana re baeng le bajaki fa pele ga gago jaaka borraetsho botlhe. Malatsi a rona mo lefatsheng a tshwana le moriti go se na tsholofelo. 16Morena, Modimo wa rona, khumo yotlhe e, e re e kgobokantseng go go agela Ntlo ya leina le le boitshepo la gago e tswa mo seatleng sa gago; ke ya gago yotlhe. 17Modimo wa me, ke a itse gore o tlhatlhoba pelo, o natefelwa ke mannete; ka bonnete jwa pelo ya me ke ntshitse tsotlhe tse ka pelotshweu; ke bile ke bonye batho ba gago jaanong ka boitumelo ba ba leng fano ba go ntshetsa dineo ka bopelotshweu. 18Morena, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele borraetsho, boloka bopelotshweu jo bo ntseng jalo ka bosakhutleng, bo nne mo maikutlong le mo maikaelelong a dipelo tsa batho ba gago; o gogele dipelo tsa bone kwa go wena. 19O be o nee Salomo morwaake pelo ya nnete gore a tshegetse ditaelo tsa gago le ditshupo tsa gago le melao ya gago, a dirafatse tsotlhe, a age ntlo ya borena ya gago e ke e etleeleditseng.”
20Morago ga moo Dafita a raya phuthego yotlhe a re: “A ko lo bake Morena, Modimo wa lona!” Phuthego yotlhe ya baka Morena, Modimo wa borraabo; ba be ba inama, ba ikobela fatshe fa pele ga Morena le kgosi.
21Kamoso ba direla Morena ditlhabelo, ba fisetsa Morena ditlhabelo tsa phiso tsa dipoo di le sekete le diphelehu di le sekete le dikwana di le sekete mmogo le ditshupelo tsa noo tsa teng le ditlhabelo tse dintsi tse di jewang tsa Baiseraele botlhe. 22Ba a ja, ba nwa fa pele ga Morena ka letsatsi leo ka boitumelo jo bogolo; ba be ba dira Salomo morwa Dafita kgosi gape, ba mo tloletsa Morena go nna moeteledipele le Satoke go nna moperesiti. 23Salomo a nna jalo mo sedulong sa bogosi sa Morena, a nna kgosi mo boemong jwa ga Dafita rraagwe, a tlhogonolofala, mme Baiseraele botlhe ba mo utlwa. 24Dikgosana tsotlhe le bagale le bone bomorwa kgosi Dafita botlhe ba ikokobeletsa kgosi Salomo. 25Morena a nna a godisa Salomo mo matlhong a Baiseraele botlhe, a mo naya bogosi jo bo galalelang jo bo iseng bo ke bo nne mo kgosing epe ya Iseraele pele ga gagwe.
Kakaretso ya tsa ga puso ya ga Dafita
26Jalo he, Dafita morwa Isai e ne e le kgosi ya Baiseraele botlhe. 27Sebaka se o neng a busa Iseraele ka sona e ne e le dinyaga di le 40; a busa dinyaga di supa kwa Heberone; a ba a busa dinyaga di le 33 mo Jerusalema. 28A ba a swa a tsofetse sentle, a kgotshe malatsi le khumo le tlotlo, mme Salomo morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 29Mme ditirafalo tsa kgosi Dafita tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa ga Samuele mmoni le mo ditirafalong tsa moporofeti Nathane le mo ditirafalong tsa ga Gate mmoni 30mmogo le dilo tsotlhe tsa bogosi jwa gagwe le tsa bogale jwa gagwe le tsa dipaka tse di dirafaletseng ene le Baiseraele le dipuso tsotlhe tsa mafatshe.

Currently Selected:

1 DITIRAFALO 29: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy