Baroma 1:26-28
Baroma 1:26-28 LEF
Ke sone se Modimo o ba leseleditseng go dira tsotlhe tse di bosula tse, le gore le basadi ba bone ba furalele leano la Modimo la tlholego mme ba simolola go tlontlololana mebele. Mme banna, mo boemong jwa go tlhakanela dikobo le basadi ka fa tlholegong, ba simolola go gakalelana, banna ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, mme ka ntlha ya moo ba bona tuelo e e ba tshwanetseng. Jalo ke sone se e rileng fa ba latlha Modimo ebile ba sa batle go o itse, Modimo wa ba tlhokomologa gore ba dire sengwe le sengwe se megopolo ya bone e e bosula e neng e ka se akanya.





