Tshenolo 13:14-15
Tshenolo 13:14-15 LEF
Ka go dira dikgakgamatso tse, sa tsietsa batho gongwe le gongwe, se ne se dira dikgakgamatso tse fela fa sebatana sa ntlha se le teng go se lebelela. Mme sa laela batho ba lefatshe go dira setshwantsho sa leje se segolo sa sebatana sa ntlha, se se neng se bolaisegile thata, mme sa tloga sa rula. Se ne sa letlelelwa go naya setshwano se sa leje mowa le go dira gore se bue! Hong setshwantsho se sa leje sa laela gore mongwe le mongwe yo o ganang go se obamela o tshwanetse go swa!





