YouVersion Logo
Search Icon

Bahebera 11:24-27

Bahebera 11:24-27 LEF

E ne e le ka tumelo mo Moshe erileng a gola, a gana go tsewa jaaka setlogolwana sa kgosi, mme a itlhophela go boga le batho ba Modimo mo boemong jwa go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana. O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya. Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo mo a ileng a tswa mo lefatsheng la Egepeto a sa boife bogale jwa kgosi. Moshe o ne a nna a tsamaya; go ne go bonala ekete o bona Modimo o na le ene teng koo.

Free Reading Plans and Devotionals related to Bahebera 11:24-27