Bakorintha II 3:5-6
Bakorintha II 3:5-6 LEF
mme e seng ka ntlha ya gore re gopola re ka dira sengwe le sengwe se se sa feleng ka borona. Nonofo le phenyo ya rona e tswa fela mo Modimong. Ke one o o re thusitseng go bolelela ba bangwe Kgolagano e ncha go ba boloka. Ga re ba bolelele gore ba tshwanetse go utlwa molao mongwe le mongwe wa Modimo kgotsa ba swe; mme re ba bolelela gore ba na le botshelo mo Moweng O O Boitshepo. Tsela ya bogologolo ya go leka go bolokwa ka go tshegetsa Ditaolo tse di Lesome, e felela mo losong; mo tseleng e ncha, Mowa O O Boitshepo o ba naya botshelo.





