Bakorintha II 12:6-7
Bakorintha II 12:6-7 LEF
Ke na le go le gontsi mo ke ka ipelafatsang ka gone ebile ke tlaa bo ke se seeleele go dira jalo, mme ga ke batle ope go ntseela kwa godimo go feta jaaka a tshwanetse mo go se a ka se bonang mo botshelong jwa me le mo molae-tseng wa me. Ke tlaa bua se: ka ntlha ya gore maitemogelo a ke nang nao a magolo thata, Modimo o ne o tshaba gore a ka nkgogomosa; jalo ke ne ka nna le bolwetse jo e neng e le mutlwa mo nameng ya me, morongwa wa ga Satane go ntlhokofatsa le go ntshwenya, a bo a tlhaba boikgantsho jwa me.





