Bakorintha I 8:1-2
Bakorintha I 8:1-2 LEF
Gape ke potso ya lona kaga go ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mo potsong e mongwe le mongwe o ikutlwa gore karabo ya gagwe fela ke yone e e siameng! Mme le fa go ntse jalo go nna “moitse wa tsotlhe” go re dira gore re ipone botoka, mme se se tlhokegang tota, go aga phuthego ke lorato. Fa mongwe a akanya gore o itse dikarabo tsotlhe, o supa bosenakitso jwa gagwe fela.





