1
BAROMA 6:23
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.
Compare
Explore BAROMA 6:23
2
BAROMA 6:14
Gonne boleo ga bo ketla bo nna le taolo mo go lona; ka gobo ga lo mo thateng ya molao, lo mo thateng ya tshegofatso.
Explore BAROMA 6:14
3
BAROMA 6:4
Ke gone, re fitlhilwe nae mo losong ka kolobetso, e le gore jaaka Keresete a tsositswe mo losong ka kgalalelo ya Rara, jalo le rona re tle re sepele mo bošeng jwa botshelo.
Explore BAROMA 6:4
4
BAROMA 6:13
le gone lo se ka lwa neela boleo ditokololo tsa lona go nna dilo tse di dirang tshiamololo; mme lo ineele mo Modimong, lo le batshedi ba lo duleng mo baswing, le ditokololo tsa lona, gore e nne dilo tse di dirang tshiamo mo Modimong.
Explore BAROMA 6:13
5
BAROMA 6:6
ka re itse mo, gore botho jwa rona jwa bogologolo bo bapotswe nae, gore mmele wa boleo o nyelediwe, le gore re se ka ra tlhola re le mo kgolegong ya boleo
Explore BAROMA 6:6
6
BAROMA 6:11
Le lona lo ikaye fela jalo fa lo sule ka ga boleo, mme lo tshelela Modimo mo go Keresete Jesu.
Explore BAROMA 6:11
7
BAROMA 6:1-2
Jalo, re tlaa reng? A re tlaa tswelela pele mo boleong, gore tshegofatso e tle e tote? A go se tualo, rona ba re kileng ra swa ka ga boleo, re tlaa nna re tshela jang mo go jona?
Explore BAROMA 6:1-2
8
BAROMA 6:16
A ga lo itse fa yo lo mo ineelang jaaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwe, yo lo mo utlwang; kgotsa ba boleo jo bo isang losong; kgotsa ba kutlo e e isang tshiamong?
Explore BAROMA 6:16
9
BAROMA 6:17-18
A go lebogwe Modimo, gonne le fa lo kile lwa ne lo le batlhanka ba boleo, lwa tla lwa nna ba ba utlwang ka pelo mokgwa wa thuto e lo e neetsweng; mme e rile ka lo golotswe mo boleong, lwa tla lwa nna batlhanka ba tshiamo.
Explore BAROMA 6:17-18
Home
Bible
Plans
Videos