1
BAROMA 14:17-18
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
gonne bogosi jwa Modimo ga se go ja le go nwa, mme ka tshiamo, le kagiso, le boitumelo mo Moweng o o Boitshepo. Gonne ene yo o direlang Keresete mo go ntseng jalo, o kgatlha Modimo, o bile o lebosega mo bathong.
Compare
Explore BAROMA 14:17-18
2
BAROMA 14:8
Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena; mme le fa re swa, re swela Morena; ke gone, le fa re tshela, kgotsa re swa, re ntse re le ba Morena fela.
Explore BAROMA 14:8
3
BAROMA 14:19
Jalo a re lateleng dilo tse di diranang le kagiso, le dilo tse re ka agelelanang ka tsone.
Explore BAROMA 14:19
4
BAROMA 14:13
Ke gone, a re se tlholeng re sekisanya, mme bogolo lo akanye mo, gore: Motho ope a se ka a baya sekgopi mo tseleng ya wa ga gabo, le fa e le se se ka mo digang.
Explore BAROMA 14:13
5
BAROMA 14:11-12
Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.
Explore BAROMA 14:11-12
6
BAROMA 14:1
Yo o bokoa mo tumelong lo mo amogele, e seng go tsena mo dikgannyeng tse di belaesegang.
Explore BAROMA 14:1
7
BAROMA 14:4
O mang wena yo o sekisang motlhanka wa yo mongwe? Go ema le go wa ga gagwe, e ntse ke ga morena wa gagwe. Ee, o tlaa emisiwa; gonne Morena o na le nonofo ya go mo emisa.
Explore BAROMA 14:4
Home
Bible
Plans
Videos