1
BAROMA 12:2
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.
Compare
Explore BAROMA 12:2
2
BAROMA 12:1
Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng.
Explore BAROMA 12:1
3
BAROMA 12:12
Lo itumele mo tsholofelong; lo nne pelotelele mo pitlaganong; lo nnele ruri mo thapelong
Explore BAROMA 12:12
4
BAROMA 12:21
Lo se ka lwa fenngwa ke bosula, mme fenyang bosula ka molemo.
Explore BAROMA 12:21
5
BAROMA 12:10
Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele
Explore BAROMA 12:10
6
BAROMA 12:9
A lorato lo nne fela lo se na boitimokanyo. Ilang se se bosula; ngaparelang se se molemo.
Explore BAROMA 12:9
7
BAROMA 12:18
Fa go ka nna jalo, lo nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya lona.
Explore BAROMA 12:18
8
BAROMA 12:19
Baratwa, se ipusolosetseng, mme lo thibogele bogale; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tlaa duela,” go bua Morena.
Explore BAROMA 12:19
9
BAROMA 12:11
mo tlhoafalong, lo se ka lwa nna botshwakga; lo nne lo tuke mo moweng; lo direle Morena.
Explore BAROMA 12:11
10
BAROMA 12:3
Gonne ke raya mongwe le mongwe mo go lona, ka tshegofatso e ke e neilweng, ka re, a se ka a ikgopola bogolo go tshwanelo ya gagwe ya go ikgopola; mme a ikgopole ka tekano, ka fa Modimo o abetseng mongwe le mongwe selekanyo sa tumelo ka teng.
Explore BAROMA 12:3
11
BAROMA 12:17
Se dueleng bosula jwa ga ope ka bosula. Akanyang dilo tse di tlotlegang mo matlhong a batho botlhe.
Explore BAROMA 12:17
12
BAROMA 12:16
Lo nne pelo nngwe fela, mongwe le mongwe ka ga yo mongwe. Lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona mo dilong tse dikgolo, lo ikokobeletse dilo tse di kwa tlase. Lo se ka lwa ikgopola fa lo le botlhale.
Explore BAROMA 12:16
13
BAROMA 12:20
“Fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora, o mo nose; gonne ka go dira jalo, o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.”
Explore BAROMA 12:20
14
BAROMA 12:14-15
Segofatsang ba ba lo bogisang; segofatsang, lo se ka lwa hutsa. Itumeleng le ba ba itumelang; lo lele le ba ba lelang.
Explore BAROMA 12:14-15
15
BAROMA 12:13
lo abele go tlhoka ga baitshepi; lo tlwaele go tshola baeng.
Explore BAROMA 12:13
16
BAROMA 12:4-5
Gonne jaaka re na le ditokololo di le dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe di se tiro nngwe fela; jalo le rona ba re leng bantsi, re mmele mongwe fela mo go Keresete, mme mongwe le mongwe ke tokololo ya yo mongwe.
Explore BAROMA 12:4-5
Home
Bible
Plans
Videos