1
PESALEMA 90:12
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Jalo o re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.
Compare
Explore PESALEMA 90:12
2
PESALEMA 90:17
A bontlentle jwa ga Jehofa, Modimo wa rona, bo nne mo go rona; mme o tlhomamise tiro ya diatla tsa rona mo go rona; ee, tiro ya diatla tsa rona o e tlhomamise.
Explore PESALEMA 90:17
3
PESALEMA 90:14
A ko o re kgorise boutlwelobotlhoko jwa gago go le ka moso, gore re tle re itumele, re ipele ka malatsi otlhe a rona.
Explore PESALEMA 90:14
4
PESALEMA 90:2
E rile pele, dithaba di ise di tsalwe, le gone e rile o ise o bope lefatshe le lobopo, fela go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng, wa bo o ntse o le Modimo fela.
Explore PESALEMA 90:2
5
PESALEMA 90:1
Jehofa, o ntse o le boago jwa rona mo tshikatshikeng tsotlhe.
Explore PESALEMA 90:1
6
PESALEMA 90:4
Gonne mo matlhong a gago dinyaga di le makgolo a le some di ntse jaaka maabane fela fa a fetile, le jaaka tiso ya bosigo fela.
Explore PESALEMA 90:4