1
PESALEMA 63:1
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Modimo, o Modimo wa me; ke tlaa go batla go sa le gale; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe, mo lefatsheng la lokgere lo lo lapisang, kwa metsi a seong gone.
Compare
Explore PESALEMA 63:1
2
PESALEMA 63:3
Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo; dipounama tsa me di tlaa go baka.
Explore PESALEMA 63:3
3
PESALEMA 63:4
Jalo ke tlaa go baka ka ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa tsholetsa mabogo a me mo ineng la gago.
Explore PESALEMA 63:4
4
PESALEMA 63:2
Ke go lebile jalo mo felong ga boitshepo, go bona thata ya gago le kgalalelo ya gago.
Explore PESALEMA 63:2
5
PESALEMA 63:7-8
Gonne o ntse o le thuso ya me; mme ke tlaa itumela mo moriting wa diphuka tsa gago. Mowa wa me o go latela ka thata; seatla sa gago se se siameng se ntshegeditse.
Explore PESALEMA 63:7-8
6
PESALEMA 63:6
mogang ke go gakologelwang ke le mo bolaong jwa me, mme ke go akanya mo ditisong tsa bosigo.
Explore PESALEMA 63:6