1
PESALEMA 139:14
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.
Compare
Explore PESALEMA 139:14
2
PESALEMA 139:23-24
Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me; o bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna; mme o nkgoge mo tseleng e e sa khutleng.
Explore PESALEMA 139:23-24
3
PESALEMA 139:13
Gonne o bopile diphilo tsa me; wa mpipa ke le mo sebopelong sa ga mme.
Explore PESALEMA 139:13
4
PESALEMA 139:16
Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone.
Explore PESALEMA 139:16
5
PESALEMA 139:1
Jehofa, o mphukuditse, mme o nkitsile.
Explore PESALEMA 139:1
6
PESALEMA 139:7
Kana ke ka bo ke ka ya kae ke tlogela mowa wa gago? Kgotsa sebonalo sa gago nka se tshabela kwa kae?
Explore PESALEMA 139:7
7
PESALEMA 139:2
O itse go dula ga me la go nanoga ga me, o tlhaloganyetsa mogopolo wa me kwa kgakala.
Explore PESALEMA 139:2
8
PESALEMA 139:4
Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me, fa e se gore, Jehofa o le itse lotlhe fela.
Explore PESALEMA 139:4
9
PESALEMA 139:3
O hukutsa tselana ya me le go rapama ga me, mme o tlwaetse mekgwa ya me yotlhe fela.
Explore PESALEMA 139:3