1
PESALEMA 103:2
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Baka Jehofa, mowa wa me, mme o se ka wa lebala dithuso tsa gagwe tsotlhe
Compare
Explore PESALEMA 103:2
2
PESALEMA 103:3-5
yo o itshwarelang maikepo otlhe a gago; a fodise malwetse a gago otlhe fela; yo o rekololang botshelo jwa gago mo tshenyegong; a go rwese tlhogo ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko a manana; yo o kgorisang legano la gago ka dilo tse di molemo; bokau jwa gago boo bo tle bo šafadiwe bo nne jaaka jwa ntswi yo motona.
Explore PESALEMA 103:3-5
3
PESALEMA 103:1
Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo.
Explore PESALEMA 103:1
4
PESALEMA 103:13
Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo.
Explore PESALEMA 103:13
5
PESALEMA 103:12
Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.
Explore PESALEMA 103:12
6
PESALEMA 103:8
Jehofa o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.
Explore PESALEMA 103:8
7
PESALEMA 103:10-11
Ga a a re direla ka fa maleong a rona, le fa e le go re duela ka fa maikepong a rona. Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo.
Explore PESALEMA 103:10-11
8
PESALEMA 103:19
Jehofa o tlhomamisitse setulo sa gagwe sa bogosi mo magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo busa gotlhe fela.
Explore PESALEMA 103:19