1
DIANE 3:5-6
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.
Compare
Explore DIANE 3:5-6
2
DIANE 3:7
O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula.
Explore DIANE 3:7
3
DIANE 3:9-10
Tlotla Jehofa ka thoto ya gago, le ka tsa ntlha tsa totafalelo yotlhe ya gago. Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.
Explore DIANE 3:9-10
4
DIANE 3:3
A boutlwelobotlhoko bo se go tlogele le boammaaruri; o di bofelele mo thamong ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago
Explore DIANE 3:3
5
DIANE 3:11-12
Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe; gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele; fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.
Explore DIANE 3:11-12
6
DIANE 3:1-2
Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me; mme a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me, gonne di tlaa go okeletsa boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso.
Explore DIANE 3:1-2
7
DIANE 3:13-15
Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo. Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng. O tlhokega bogolo go diperela; mme mo dilong tsotlhe tse o ka di eletsang ga go na sepe se se ka tshwantshiwang nae.
Explore DIANE 3:13-15
8
DIANE 3:27
Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira.
Explore DIANE 3:27
9
DIANE 3:19
Jehofa o thaile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa magodimo ka tlhaloganyo.
Explore DIANE 3:19