1
DIANE 19:21
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Go na le ditogamaano di le dintsi mo pelong ya monna; mme kgakololo ya ga Jehofa yone e tlaa ema.
Compare
Explore DIANE 19:21
2
DIANE 19:17
Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.
Explore DIANE 19:17
3
DIANE 19:11
Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.
Explore DIANE 19:11
4
DIANE 19:20
Utlwa kgakololo, o tshole thuto, gore o tle o nne botlhale mo bokhutlong jwa gago.
Explore DIANE 19:20
5
DIANE 19:23
Go boifa Jehofa go isa botshelong, mme yo o nang nago o tlaa nna fela a kgotshe; ga a ketla a lekolwa ke bosula.
Explore DIANE 19:23
6
DIANE 19:8
Yo o bonang botlhale o ithata mowa; yo o bolokang tlhaloganyo o tlaa bona molemo.
Explore DIANE 19:8
7
DIANE 19:18
Otlhaya morwao ka gobo go na le tsholofelo, mme o se ka wa tlhoma pelo ya gago mo go mo senyeng.
Explore DIANE 19:18
8
DIANE 19:9
Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso, le yo o bilolang maaka o tlaa nyelela.
Explore DIANE 19:9