1
DIPALO 21:8
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Jehofa a raya Moše, a re: “Itirele noga ya kgotlho o e pege mo mokgorong; go tlaa dirafala gore mongwe le mongwe yo o lomilweng, o tlaa re a e bona a tshele.”
Compare
Explore DIPALO 21:8
2
DIPALO 21:9
Moše a dira noga ya kgotlho, a e pega mo mokgorong, ga dirala e ne e re fa noga e lomile motho mongwe, e re a leba noga ya kgotlho a tshele.
Explore DIPALO 21:9
3
DIPALO 21:5
Batho ba kgobotla Modimo le Moše, ba re: “Lo re tlhatloseditseng kwa Egepeto re tla go swela mo nageng? Gonne ga go na dijo, ga go na metsi; mowa wa rona o nkgelwa sebodu ke dijo tse di motlhofo tse.”
Explore DIPALO 21:5
4
DIPALO 21:6
Jehofa a roma dinoga tse di bolayang mo go bone, mme tsa loma batho ba Iseraele ba swa ba le bantsi.
Explore DIPALO 21:6
5
DIPALO 21:7
Batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, ka re buile ka go kgobotla Jehofa le wena; rapela Jehofa gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše, a rapelela batho.
Explore DIPALO 21:7