mme ruri, ruri, jaaka ke tshedile le jaaka lefatshe lotlhe le tlaa tlala kgalalelo ya ga Jehofa: E re ka batho bao botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me, le ditshupo tsa me, tse ke di dirileng kwa Egepeto, le mo nageng, le fa go ntse jalo ba ntekile ka dipaka tse some tse, mme ba se ka ba reetsa lentswe la me; ruri ga ba ketla ba bona lefatshe le ke le ikanetseng borraabo, le gone ga go na ope wa ba ba nnyaditseng yo o tlaa le bonang