Ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; le gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona; fela jaaka Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”