1
MATHAIO 18:20
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Gonne kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng gone, ka leina la me, foo nna ke gone mo gare ga bone.”
Compare
Explore MATHAIO 18:20
2
MATHAIO 18:19
Gape, ke a lo raya: E tlaa re fa ba le babedi ba lona ba dumalanye mo lefatsheng ka ga sengwe fela se ba tlaa se lopang, ba tlaa se direlwa ke Rre yo o kwa legodimong.
Explore MATHAIO 18:19
3
MATHAIO 18:2-3
Mme a ipiletsa ngwanyana, a mmaya fa gare ga bone. Mme a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope.
Explore MATHAIO 18:2-3
4
MATHAIO 18:4
Ke gone le fa e le mang yo o tlaa ingotlang jaaka ngwanyana yo, ke ene yo o leng mogolo bogolo mo bogosing jwa legodimo.
Explore MATHAIO 18:4
5
MATHAIO 18:5
Mme le fa e le mang yo o tsholang ngwanyana mongwe yo o ntseng jalo, ka leina la me, o tshola nna.
Explore MATHAIO 18:5
6
MATHAIO 18:18
“Ammaaruri ke a lo raya: Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong; le gone le fa e ka ne e le dilo dife tse lo tlaa di bofololang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofolotswe kwa legodimong.
Explore MATHAIO 18:18
7
MATHAIO 18:35
“Fela jalo, Rre wa legodimo o tlaa direla lona, fa lo sa itshwarelane, mongwe le mongwe wa ga gabo ka dipelo tsa lona.”
Explore MATHAIO 18:35
8
MATHAIO 18:6
“Le fa e le mang yo o tlaa kgopisang mongwe wa ba babotlana ba ba dumelang mo go nna, go ka nna molemo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo thamong ya gagwe, a ba a thabuediwa mo matenyeng a lewatle.
Explore MATHAIO 18:6
9
MATHAIO 18:12
“Lo gopola jang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe ya tsone e timetse, a ga a tlogele tse di 99, mme a ya kwa dithabeng, a batla e e timetseng?
Explore MATHAIO 18:12
Home
Bible
Plans
Videos