1
MATHAIO 15:18-19
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Mme dilo tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; mme tsone tseo di itshekolola motho. Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo.
Compare
Explore MATHAIO 15:18-19
2
MATHAIO 15:11
Se se tsenang ka molomo, ga se sone se se itshekololang motho; mme se se tswang ka molomo, ke sone se se itshekololang motho.”
Explore MATHAIO 15:11
3
MATHAIO 15:8-9
‘Tšhaba e, e ntlotla ka dipounama; mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela, ka e a tle e re ba ruta, dithuto tsa bone e be e le dipolelo tsa batho fela.’ ”
Explore MATHAIO 15:8-9
4
MATHAIO 15:28
Foo Jesu a mo fetola a re: “Ija, mosadi! Tumelo ya gago e kgolo, a go go dirafalele ka fa o ratang ka teng.” Morwadie o sa le a fodisiwa fela ka lobaka loo.
Explore MATHAIO 15:28
5
MATHAIO 15:25-27
Mosadi a tla a mo obamela a re: “Morena, a ko o nthuse.” Mme a mo fetola a re: “Ga go a tshwanela fa go ka tsewa dijo tsa bana, tsa latlhelwa dintša.” Mme a re: “Ee, Morena; gonne le e leng dintša di tle di je matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa beng ba tsone.”
Explore MATHAIO 15:25-27
Home
Bible
Plans
Videos