“Ngwana wa mosimane o tle a tlotle rraagwe, le motlhanka mong wa gagwe; mme fa ke le rra batho, tlotlo ya me e kae? Fa ke le mong wa batho, go mpoifa go kae? Go bua Jehofa wa masomosomo, a raya lona baperesiti ba lo nyatsang leina la me. Mme lo a tle lo re: ‘Ana re nyaditse leina la gago mo go eng?’