Dingaka le tsone tsa dira jalo ka mereo ya tsone go ntsha dinta, mme tsa retelelwa. Ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng. Foo dingaka tsa raya Faro tsa re: “Seo se, ke mongwana wa Modimo.” Mme pelo ya ga Faro ya thatafala, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile.