1
EKESODO 4:11-12
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Jehofa a mo raya a re: “E mang yo o dirileng molomo wa motho? Kgotsa e mang yo o dirang motho gore a nne semumu, gongwe a nne susu, gongwe a nne yo o bonang, kgotsa a nne sefofu? A ga se nna Jehofa? Jaanong ka re tsamaya, ke tlaa nna le molomo wa gago ke go ruta se o tlaa se buang.”
Compare
Explore EKESODO 4:11-12
2
EKESODO 4:10
Moše a raya Jehofa a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.”
Explore EKESODO 4:10
3
EKESODO 4:14
Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moše, foo a re: “A mogoloo Arone, Molefi, a ga a gone? Ke a itse fa ene a ka bua sentle. Le gone, bona, o e tla, o tla go go kgatlhantsha, o tlaa re a go bona a itumele mo pelong ya gagwe.
Explore EKESODO 4:14