1
EKESODO 24:17-18
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Go bonala ga kgalalelo ya ga Jehofa ga bo go ntse jaaka molelo o o lailang mo godimo ga thaba, mo matlhong a bana ba Iseraele. Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela mo thabeng; Moše a nna mo thabeng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40.
Compare
Explore EKESODO 24:17-18
2
EKESODO 24:16
Kgalalelo ya ga Jehofa ya nna mo thabeng ya Sinai, le leru la e khurumetsa ka malatsi a le marataro; e rile ka letsatsi la bosupa a tlhaeletsa Moše a le mo gare ga leru.
Explore EKESODO 24:16
3
EKESODO 24:12
Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, mme o nne gone; ke tlaa go naya matlapa, le molao o ke o kwadileng le ditaolo, gore o di rute batho.”
Explore EKESODO 24:12