Foo Amose a fetola Amasia a mo raya, a re: “Ke ne ke se moperofeti wa sepe, le gone ke ne ke se ngwana wa moperofeti; mme ke ne ke le modisa fela, le maakanyi wa ditlhare tsa masekamore. Jehofa a ntlosa mo go saleng letsomane morago, mme a nthaya a re: ‘Ya, o perofesetse batho ba me Baiseraele.’