Ka ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo dikeletsong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetotse o e seng wa tlholego. Fela jalo le banna ba tlogela go dira le mosadi ka fa mokgweng wa tlholego, ba tukelana ka dikgatlhego tsa bone, banna ba dira matlhabisa-ditlhong le banna ba bangwe, ba amogela tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone mo go bona ka bosi.
Mme ka ba ne ba sa re sepe go itse Modimo, Modimo o ba neeletse mo maitlhomong a bokgopo go dira dilo tse di sa tshwanelang