Ya re e kanolola sekano sa borataro, ka bona thoromo e kgolo ya lefatshe, letsatsi la ntshofala, la nna jaaka kgetse ya boditse, ngwedi otlhe wa nna jaaka madi; dinaledi tsa legodimo tsa wela mo lefatsheng, jaaka setlhare sa feie se tlhotlhorega mmono wa sona, fa se tsubutliwa ke phefo e e thata.