Ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nnee lokwalonyana loo. A nthaya a re: “Lo tsee, o lo je, o lo fetse; lo tla go segisa mala, mme mo leganong la gago lo tla nna botshe jaaka dinotshe.”
Ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja, ka lo fetsa; lwa bo lo le botshe mo leganong jaaka dinotshe; mme ya re ke sena go lo ja, ka segwa ke mala.