1
DIPESALEME 86:11
Setswana 1970
TSW70
MORENA, nthute tsela ya gago gore ke tsamae mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.
Compare
Explore DIPESALEME 86:11
2
DIPESALEME 86:5
Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena.
Explore DIPESALEME 86:5
3
DIPESALEME 86:15
Mme wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; ga o fele pelo, o tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.
Explore DIPESALEME 86:15
4
DIPESALEME 86:12
Morena, Modimo wa me, ke rata go go baka ka pelo yotlhe le go tlotla leina la gago ka bosenabokhutlo.
Explore DIPESALEME 86:12
5
DIPESALEME 86:7
Ke goela kwa go wena ka letsatsi la tlalelo ya me; gonne o a nkutlwa.
Explore DIPESALEME 86:7