1
DIPESALEME 42:11
Setswana 1970
TSW70
Tshotlo ya baganetsi ba me e ntlhaba jaaka lerumo mo marapong, fa ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?”
Compare
Explore DIPESALEME 42:11
2
DIPESALEME 42:1-2
Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi. Mowa wa me o lelela go wena Modimo, jaaka tholo e lelela metsi a melatswana.
Explore DIPESALEME 42:1-2
3
DIPESALEME 42:5
Dilo tse ke tla nna ke di gopola, ke tsholola mowa wa me mo teng ga me, jaaka ke ne ke tle ke ye le bontsi jwa batho, ke ba gogela kwa Ntlong ya Modimo, ka lentswe la tuduetso le la tebogo – lesomo le le itumelelang moletlo.
Explore DIPESALEME 42:5
4
DIPESALEME 42:3
Mowa wa me o nyorelwa Modimo, Modimo o o tshelang. Ke tla fitlha leng teng gore ke bonale fa pele ga sefatlhego sa Modimo?
Explore DIPESALEME 42:3
5
DIPESALEME 42:6
O obegetseng, wena mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o lebogela thuso ya sefatlhego sa ona.
Explore DIPESALEME 42:6