1
DIPESALEME 40:1-2
Setswana 1970
TSW70
Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Ke lebeletse MORENA ka tlhologelelo; mme a itshekamisetsa go nna, a nkutlwa ke goela thuso.
Compare
Explore DIPESALEME 40:1-2
2
DIPESALEME 40:3
A ntshwatola mo moleteng wa tshenyego, mo maragarageng a seretse, a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng, a tlhomamisa dikgato tsa me.
Explore DIPESALEME 40:3
3
DIPESALEME 40:4
O ntsentse sefela se sešwa mo molomong, sefela sa go baka Modimo wa rona. Bantsi ba a bona, ba a boifa, ba ikanya MORENA.
Explore DIPESALEME 40:4
4
DIPESALEME 40:8
Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong.
Explore DIPESALEME 40:8
5
DIPESALEME 40:11
Ga ke fitlhe tshiamo ya gago mo teng ga pelo ya me. Ke bolela boikanyego jwa gago le pholoso ya gago. Phuthego e kgolo ga ke e lobele bopelotlhomogi jwa gago le boammaaruri jwa gago.
Explore DIPESALEME 40:11