1
DIPESALEME 37:4
Setswana 1970
TSW70
o natefelwe ke MORENA, mme o tla go naya dikeletso tsa pelo ya gago.
Compare
Explore DIPESALEME 37:4
2
DIPESALEME 37:5
Laolela MORENA tsela ya gago, o mo ikanye, ena o tla dirafatsa
Explore DIPESALEME 37:5
3
DIPESALEME 37:7
Didimalela MORENA, o mo lebelele. O se ka wa ngongoregela yo o sego mo tseleng ya gagwe, le monna yo o dirafatsang maano a boferefere.
Explore DIPESALEME 37:7
4
DIPESALEME 37:3
Ikanye MORENA, o dire se se molemo; aga mo lefatsheng, o ikanyege
Explore DIPESALEME 37:3
5
DIPESALEME 37:23-24
MORENA o tlhomamisa dikgato tsa monna, fa a kgatlhwa ke tsela ya gagwe. Le fa a ka wa, ga a wele ruri; gonne MORENA o tshwere seatla sa gagwe.
Explore DIPESALEME 37:23-24
6
DIPESALEME 37:6
o tla phatsimisa tshiamo ya gago jaaka lesedi, le tshiamelo ya gago jaaka motshegare.
Explore DIPESALEME 37:6
7
DIPESALEME 37:8
Lesa bogale, o tlogele kgakalo; o se ka wa tuka bogale; bo isa bosuleng.
Explore DIPESALEME 37:8
8
DIPESALEME 37:25
Ke ne ke le lekau, mme jaanong ke tsofetse. Mme ga ke ise nke ke bone mosiami a tlogetswe, le fa e le bana ba gagwe ba kopa dijo.
Explore DIPESALEME 37:25
9
DIPESALEME 37:1
Pesalome ya ga Dafita. O se ka wa tlhodiega ka ga badirabosula; o se ka wa fufegele ba ba dirang tse di sa siamang.
Explore DIPESALEME 37:1